24
Ditshupo tsa dipaka tsa bofelo
Mme ya re fela fa Jesu a tswa mo patlelong ya Tempele, barutwa ba gagwe ba mo sala morago ba tla go mo tsamaisa ba mo kaetsa dikago tse di farologanyeng tsa Tempele.
Mme a ba raya a re, “Dikago tse tsotlhe di tlaa digelwa fa fatshe, lentswe lepe le sa tlogelwe le tlhatlaganye le le lengwe!”
Mme ya re morago fa barutwa ba gagwe ba ntse fa fatshe mo thoteng ya Thaba ya Lotlhware, ba mmotsa ba re, “mo go diragala leng? Ditshupo tse di tlaa supang go boa ga gago le bokhutlo jwa lefatshe ke dife?”
Jesu a fetola a re, “Se letleng ope go lo timetsa. Gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ipitsa gore ke bone BoMesia, mme ba timetsa ba le bantsi. Fa lo utlwa ka go simologa ga dintwa, mo go tlaa bo go sa supe go boa ga me; mo go tshwanetse go diragala, mme bokhutlo bo tlaa bo bo ise bo tle. Dichaba le Mebuso ya lefatshe di tlaa tsogologelana, go tlaa nna mauba le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a le mantsi. Mme gotlhe mo e tlaa bo e le tshimologo ya ditlalelo tse di tlang fela.”
Balatedi ba ga Jesu ba tlaa ilwa
“Hong lo tlaa tlhokofadiwa, lo bolawe, lo bo lo ilwe ke lefatshe lotlhe ka ntlha ya gore lo ba me. 10 Mme ba le bantsi ba lona ba tlaa boela mo sebeng, ba okane ba bo ba ilane.” 11 Mme go tlaa nna le baporofiti ba le bantsi ba eseng bone mme ba tlaa timetsa bontsi. 12 Sebe se tla ntsifala thata gongwe le gongwe, se tsidifatse lorato lwa ba le bantsi. 13 Mme ba ba itshokang go ya bokhutlong ba tlaa bolokwa.
14 “Mme mafoko a a molemo a Bogosi a tlaa rerwa mo lefatshing lotlhe gore dichaba tsotlhe di utlwe, mme hong lwa bofelo bokhutlo bo tlaa tla. 15 Jalo, fa lo bona selo se se makgapha, (se se boletsweng ke Moporofeti Daniele, a mmadi a tlhaloganye se se buiwang!) 16 hong ba ba mo Judea ba patelesega go tshabela kwa dithabeng tsa Judea.
17 “Ba ba mo maribelong a matlo a bone ba seka ba tsena mo teng go phutha dilwana pele ga ba tshaba. 18 Ba ba kwa masimo ba seka ba boela kwa magaeng a bone go tsaya diaparo.
19 “Mme a bo go tlaa bo go latlhega basadi ba baimana le ba ba nang le masea mo malatsing ao. 20 Mme lo rapele gore go sia ga lona go seka ga nna mariga, kgotsa go le Sabata 21 Gonne go tlaa nna pogisego e lefatshe le iseng le ke le e bone pele mo tshimologong ya lone go fitlha nako eno, mme ga e kitla e tlhola e bonwa gape.”
Lo se tsietsegeng
22 “Mme tota fa malatsi ao a sa khutshwafadiwe, batho botlhe ba tlaa nyelela, mme a tlaa khutshwafadiwa ka ntlha ya batho ba Modimo o ba itshenketseng.”
23 “Hong fa mongwe a lo raya a re ‘Mesia o gorogile kwa lefelong lengwe, kgotsa o bonetse fano kgotsa fale, kgotsa mo motseng o kgotsa ole,’ se dumeleng. 24 Gonne go tlaa nna teng Bo-Kereste ba le bantsi ba eseng bone, le baporofiti ba eseng bone, ba tlaa dira dikgakgamatso, gore e re fa go no go ka kgonega, le e leng ba ba itlhophetsweng ke Modimo tota ba tsiediwe. 25 Bonang, ke lo tlhagisitse.
26 “Mme ke gone fa mongwe a lo raya a re Mesia o boile mme o ile kwa sekakeng, lo se ka lwa eletsa go tsamaya lo ya go bona, kgotsa, gore o iphitlhile golo gongwe, se dumeleng! 27 Gonne jaaka logadima lo tle lo gadime go kgabaganya loapi go tsweng botlhabatsatsi go ya bophirima, go tla ga me go tlaa nna jalo, fa nna Morwa Motho ke boa. 28 Mme gongwe le gongwe kwa go nang le setoto, manong a phuthegela gone.
29 “E tlaa re ka bofefo morago ga pogiso ya malatsi letsatsi le tlaa fifadiwa, le ngwedi o tlaa ntshofala, le dinaled di bonala o ka re di wa mo magodimong, le dinonofo tse di khuromeditseng lefatshe di tlaa reketlisiwa.
30 “Mme kwa bofelong sesupo sa go tla ga me se tlaa bonala mo magodimong, mme go tlaa nna khutsafalo e kgolo mo tikologong ya lefatshe lotlhe, mme dichaba tsa lefatshe di tlaa mpona ke goroga ka maru a legodimo, ka nonofo le kgalalelo e kgolo. 31 Mme ke tlaa roma baengele ba me ka tumo ya torompeta e kgolo, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba me go tsweng dikhutlong tsa lefatshe le legodimo.
32 “Jaanong ithuteng thuto ka setlhare sa mofeige. Fa kala ya sone e le nana matlhare a simolola go kukunya, lo itse gore selemo se setse se gorogile. 33 Fela jalo, fa lo bona dilo tse tsotlhe di simolola go diragala, lo ka itse gore go boa ga me go gaufi, go fela fa mojakong. 34 Hong kwa bofelong lobaka lo lo tlaa tla mo bokhutlong jwa lone.
35 “Legodimo le lefatshe di tlaa nyelela, mme mafoko a me a tla nna ka bosenabokhutlo.”
Motlha wa bofelo ga o itsiwe
36 “Mme ga go ope yo o itseng letsatsi le fa e le nako e bokhutlo bo tlaa tlang ka yone, le fa e le baengele. Nnyaa, le fa e le Morwa Modimo tota. Ke Rara fela a le esi yo o itseng.
37-38 “Lefatshe le tlaa bo le iketlile, le le mo tlhapeding ya meletlo batho ba a ja ba a nwa, ba nyala ba nyadisa, jaaka go ne go ntse ka nako ya ga Noa pele ga go tla ga tshoganetso ga morwalela. 39 Batho ba ne ba sa dumele se se neng se ya go diragala go fitlhelela morwalela o tla o ba phaila botlhe. Jalo go tla ga me go tlaa nna fela jalo.
40 “Banna ba le babedi ba tlaa bo ba dira mo masimong, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwa. 41 Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira tiro ya bone ya lolwapa, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe. 42 Ke gone ipaakanyeng, gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tlang ka lone. 43 Fela jaaka motho a ka kganela matshwenyego a a leriweng ke magodu ka go nna a itlhokometse mo go one. 44 Jalo lo ka kganela matshwenyego ka go nna malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go boa ga me mo go se kitlang go anamisiwa.
45 “A o motlhanka yo o botlhale yo o ikanyegang wa Morena? a ke go neetse tironyana ya go laola ba ntlo ya me, go fepa bongwanake letsatsi le letsatsi? 46 O sego fa e ka re ke boa ka fitlhela o dira tiro ya gago ka go ikanyega. 47 Ke tlaa dira ba ba ikanyegang jalo balaodi ba sengwe le sengwe se ke nang naso. 48 Mme fa o le bosula o bo o ithaya o re, ‘Morena wa me ga a na go tla ka bofefo,’ 49 o bo o simolola go gatelela batlhanka ka wena, o o ja o nwa o tagwa. 50 Morena wa gago o tlaa goroga a sa anamisiwa e bile a sa solofelwa,
51 “Mme a ba a go kgwathisa thata a go lelekela katlholong ya baitimokanyi; kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno teng.”