23
Jesu o kgala Bafarasai
Mme Jesu a raya bontsintsi le barutwa ba gagwe a re, “Lo ne lo ka gopola gore baeteledipele ba ba Sejuda le Bafarasai ba, ke BoMoshe, ka tsela e ba e tshegeditseng go dira melao e mentsi! Mme go ntse fela jalo lo tshwanetse go reetsa sengwe le sengwe se ba se buang! Go ka ne go siame go dira se ba se buang, mme mo godimo ga tsotlhe fela, se nneng jaaka bone. Gonne ga ba dire se ba lo rayang ba re lo se dire. Ba lo imetsa ka dilo tse di sa kgonegeng tse bone ba sa lekeng le fa e le go di tshegetsa.
“Sengwe le sengwe se ba se dirang ba se direla go bonwa. Ba dira boitshepo ka go apara diaparo tse di maburabura di kwadilwe ditemana tsa dikwalo tsa Modimo ka fa teng, le ka go lelefatsa makgabe a diaparo tsa bone tsa segopotso. Gape ba rata thata jang go nna kwa pele fa lomating lwa bojelo lwa tlotlo e kgolo mo medirong, le mo ditilong tse di faphegileng tsa phuthego mo tlong ya thuto! Ba itumelela jang tlotlo e ba e newang mo mebileng, le go bidiwa ‘Rabi’ le ‘Morena’. Lo se ka lwa ba lwa letla le fa e le mang go lo bitsa jalo. Gonne ke Modimo o o leng Rabi wa lona, mme lotlhe lo mo selekanyong se se tshwanang, jaaka bakaulengwe. Mme lo seka lwa bitsa ope fano mo lefatshing ‘Rara,’ ka gore Modimo fela, kwa legodimong ke one o tshwanetseng go bidiwa jalo. 10 Le gone lo seka lwa bidiwa ‘Morena’, ka gore a le nosi fela ke Morena wa lona, ebong Mesia.
11 “Fela ka go direla ba bangwe ka boingotlo ga lona, lo tlaa nna bagolo. Gore o nne yo mogolo thata, nna modiredi wa ba bangwe. 12 Mme ba ba ikgopolang ba le bagolo ba tlaa tlhabisiwa ditlhong ba bo ba ngotlafadiwa; mme ba ba ingotlafatsang ba tlaa godisiwa.
13-14 “A bo go latlhega lona Bafarasai le baeteledipele ba tumelo. Baitimokanyi! Gonne ga lo letle ba bangwe gore ba tsene mo Bogosing jwa Legodimo, gonne lona ka bolona ga lo tsene. Mme lo ipaya jaaka ekete lo boitshepo ka dithapelo tsa lona tse di telele tsa go itshupa fa pele ga batho mo mebileng, etswa lo leleka batlholagadi mo matlong a bone. Baitimokanyi ke lona! 15 Ee, a bo go latlhega baitimokanyi. Gonne lo tsamaya sekgala se se telele gore lo sokolole motho a le mongwe, mme lo bo lo mo fetola gore a nne ngwana wa molete go menaganye go lo gaisa. 16 A bo go latlhega lona! Bagogi ba lo foufetseng! Molao wa lona wa re go ikana ka ‘Tempele,’ ga go reye gore, lo ka roba ikano eo, mme go ikana ka ‘Gouta e e mo Tempeleng’ go a golega. 17 Dieleele ke lona tsa difofu! Go go golo eng, gouta kgotsa Tempele e e itshepisang gouta?! 18 Gape lwa re go ikana ‘Ka Sebeso’ go ka dirololwa, mme go ikana ‘Ka dimpho mo sebesong,’ go a golega. 19 Difofu ke lona! Go go golo eng, mpho mo sebesong, kgotsa sebeso ka bosone se se itshepisang? 20 Fa o ikana ‘Ka sebeso,’ o ikana ka sone le sengwe le sengwe se se mo go sone, 21 gape fa o ikana ‘Ka Tempele’ o ikana ka yone, le ka Modimo o o nnang mo go yone. 22 Gape fa o ikana ‘Ka magodimo’ o ikana ka Setilo sa Modimo le Modimo ka sebele.
23 “Ee, a bo go latlhega lona Bafarasai, le lona bangwe ba baeteledipele ba tumelo, baitimokanyi ke lona! Gonne lo ntsha ditsabolesome mo lo e tleng lo bo lo ntshe letlhare la bofelo la menta mo tshimong ya lona, mme lo tlhokomologe dilo tsa botlhokwa ebong, tshiamo le kutlhwelobotlhoko le tumelo. Ee, lo tshwanetse go ntsha ditsabolesome, mme lo seka lwa tlogela dilo tsa botlhokwa di sa dirwa.
24 “Bagogi ba lo foufetseng! Lo ntshetsa montsana kwa ntle mme lo metsa kammela.
25 “A bo go latlhega Bafarasai le lona baeteledipele ba tumelo, baitimokanyi! Lo kelotlhoko mo go ntlafatseng bokafantle jwa senwelo, mme bokafateng jwa sone bo le leswe la patiko le bohula! 26 Bafarasai ke lona ba difofu! Pele tlhatswang bo ka-fa-teng jwa senwelo, hong ke gone senwelo sotlhe se nnang phepa.
27 “A bo go latlhega lona Bafarasai le baeteledipele ba tumelo! Lo tshwana le mabitla a mantle a a tletseng marapo a baswi le boitshekologo le makgapha. 28 Lo leka go nna jaaka ba ba itshepileng mme ka fa teng ga diaparo tseo tsa lona tsa kobamelo Modimo, go dipelo tse di marilweng ka mofuta mongwe le mongwe wa boitimokanyi le dibe.
29-30 “Ee, a bo go latlhega lona baeteledipele ba tumelo le baitimokanyi! Gonne lo agela baporofiti ba ba bolailweng ke borraeno dihikantswe, lo bo lo baya dithunya mo mabitleng a batho ba ba boifang Modimo ba ba bolailweng, mme lo re ‘Ruri re ka bo re sa dira jaaka bo rraetsho ba dirile.’
31 “Ka go bua jalo, lo ipaya molato wa go nna bomorwa batho ba ba maswe. 32 Mme lo tsamaya mo dikgatong tsa bone lo tlatsa dikgato tse di tletseng bosula jwa bone. 33 Dinoga ke lona! Bomorwa shaushawane! Lo tlaa falola jang katlholo ya molete? 34 Ke tlaa lo romelela baporofiti, le banna ba ba botlhale, le batho ba ba tletseng mowa, le bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ka mowa o o galalelang, mme lo tlaa bolaya bangwe ka go ba bapola lo tlaa ba fatola mekwatla ka go ba kgwathisa mo matlong a thuto a lona, lo bo lo ba leleka mo motsing mongwe le mongwe. 35 Gore lo tle lo nne molato wa go tsholola madi a batho ba ba boifang Modimo ba ba bolailweng go simologa ka mosiami Abele go fitlhelela ka Sakaria (morwa Barakia), yo o bolailweng ke lona mo Tempeleng fa gare ga sebeso le felo ga boitshepo Ee, Katlholo yotlhe e e kgobokantsweng mo makgolong a dingwaga e tlaa wela mo ditlhogong tsa losika. 36 Jerusalema wee Jerusalema wee! Motse o o bolayang baporofiti, e bile o kgobotletsa ka maje ba Modimo o ba romang kwa go wena! Ga ke bolo go rata jang go phutha bana ba gago jaaka koko e phuthela bana ba yone ka fa tlase ga diphuka tsa yone, mme o ganne. 37 Mme jaanong ntlo ya gago o e tlogeletswe e sena le fa e le sepe. 38 Gonne ke go boleletse se gore, ga o kitla o tlhola o mpona go fitlhelela o ipaakanyetsa go amogela yo o romilweng kwa go wena a tswa kwa Modimong.” 39 “Gonne ke go boleletse se gore ga o kitla o tlhola o mpona go fitlhelela o ipaakanyetsa go amogela yo o romilweng kwa go wena a tsa Modimong.”