15
Boitsheko le Boitshekololo
Bafarasai bangwe le baeteledipele ba Sejuda ba goroga ba tswa Jerusalema go tla go buisanya le Jesu.
Mme ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago ba tlola ngwao ya Sejuda ya bogologolo? Ka gore ba tlhokomologa mokgwa wa setho sa rona wa go tlhapa diatla pele ga ba a ja.” A fetola a re, “Mme ke go reng fa ngwao ya lona e le kgatlhanong le melao e e tlhamaletsengya Modimo? Sekai ke se, molao wa Modimo wa re, ‘Tlotla rrago le mmago; yo o buang bosula ka batsadi ba gagwe o tshwanetse go swa’. 5-6 Mme lwa re, ‘Le fa batsadi ba lona ba tlhoka, go na le gore lo ba neye madi a dilo tse ba di tlhokang, bogolo lo ka a isa kwa kerekeng.’ Mme jalo ka molao wa lona o o itiretsweng ke motho, lo nyeletsa molao o o tlhamaletseng wa Modimo wa go tlotla le go tlhokomela batsadi ba lona.
“Baitimokanyi ke lona! Isaia o porofitile sentle ka ga lona a re, ‘Batho ba ba re baa ntlotla, mme dipelo tsa bone di kgakala. Kobamelo ya bone ga e na molemo, ka gore ba ruta melao ya bone e ba e itiretseng mo boemong jwa ya Modimo’ ”.
10 Hong Jesu a bitsa bontsintsi jwa batho a re, “Reetsang se ke se buang, lo bo lo leke go se tlhaloganya: 11 ga lo itshekololwe ke go ja dijo tse di idiwang ka molao wa Sejuda! Ke se lo se buang lo bile lo se akanya se se lo leswafatsang.”
12 Hong barutwa ba tla ba mo raya ba re, “O kgopisitse Bafarasai ka lefoko lele.”
13-14 Jesu a fetola a re, “Setlhatshana sengwe le sengwe se se sa jalwang ke Rre se tlaa kumulwa ka medi, jalo he, ba itlho komoloseng. Ke bagogi ba ba foufetseng ba goga difofu, mme di tlaa wela mmogo mo khuting.”
15 Hong Petoro a kopa Jesu go tlhalosa se a neng a se raya fa a re batho ga ba leswafadiwe ke dijo tse di idiwang ka molao wa Sejuda.
16 Mme Jesu a mmotsa a re, “A ga o tlhaloganye? 17 Ga o bone gore sengwe fela se o se jang, se tsena mo mpeng se be se tswela kwa ntle. 18 Mme mafoko a a bosula a tswa mo pelong e e bosula, a ba a leswafatsa motho yo o a buang. 19 Gonne mo pelong go tswa dikakanyo tse di bosula, polao, kgokafalo, boaka, bogodu, maaka le pateletso. 20 Tse ke tsone dilo tse di leswafatsang; mme ga go na teswafatso ya semowa ka go ja pele ga o tlotla ngwao ya go tlhapa diatla.”
Tumelo ya mosadi wa Mokanana
21 Jesu a tloga foo, a tsamaya dimaele di le masome matlhano go ya Ture le Sidona. 22 Mosadi yo o tswang Kanana yo a neng a nna teng, a tla kwa go ene a kopa a re, “Nkutlwela botlhoko, Ao Morena, Morwa Kgosi Dafide! Gonne morwadiake o tsenywe ke mowa o o maswe o mo tlhokofatsa gangwe le gape.”
23 Mme Jesu a seka a mo fetola le fa e le go bua lefoko lepe! Barutwa ba gagwe ba mo kopa ba re, “Mo reye a tsamaye, ka o re tshwenya ka go kopa ga gagwe.”
24 Mme a raya mosadi a re, “Ke rometswe go thusa Bajuda e seng Badichaba.”
25 Mme a tla a mo obamela a mo rapela gape a re, “Nthusa!”
26 Jesu a mo raya a re, “Ga go bonale go siame go tsaya dijo mo baneng o di latlhelela dintsa.” 27 Mme mosadi a re, “Ee, mme go siame ka gore le dintsanyana ka fa tlase ga lomati lwa bojelo di letlelelwa go ja mahohora a a wang.”
28 Mme Jesu a mo raya a re, “Mosadi, tumelo ya gago e kgolo, mme kopo ya gago e letleletswe.” Mme Morwadie a fodisiwa gone fela foo!
Jesu o fepa dikete di le nne
29 Erile morago ga moo a boela kwa lewatleng la Galalea, a palama thaba a nna gone. 30 Mme bontsintsi jwa batho jwa lere kwa go ene ba ba tlhotsang, difofu, digole, le dimumu le ba bangwe ba bantsi, ba ba baya fa pele ga ga Jesu, mme a ba fodisa botlhe. 31 E ne ya nna kgakgamalo jang! Ba pele ba neng ba ntse ba sa kgone go bua ba ne ba bua ka boitumelo, digole di ne di tsamaya di tlolaka, le ba ba neng ba le difofu ba ne ba bona! Bontsintsi jwa batho jwa gakgamala fela, mme ba galaletsa Modimo wa Iseraele.
32 Mme Jesu a bitsa barutwa ba gagwe a re, “Ke tlhomogela batho ba pelo, ba ntse ba le fano le nna malatsi a le mararo jaanong, mme ga baa salelwa ke sepe go se ja; ga ke batle go ba phatlalatsa ba bolailwe ke tlala, kgotsa e ka re gongwe ba idibala mo tseleng.”
33 Barutwa ba fetola ba re, “Mme re tlaa bona dijo tse di lekanyeng kae fano mo sekakeng gore batho ba botlhe ba je?”
34 Jesu a ba botsa a re, “Lo na le dijo di le kae?” ba fetola ba re, “Re na le dinkgwe di supa le ditlhatswana di se kae.”
35 Hong Jesu a raya batho botlhe a re ba nne fa fatshe 36 mme Jesu a tsaya dinkgwe tse di supang le ditlhapi, a di lebogela, a di ngathoganya, a di neela barutwa ba gagwe gore ba di neele batho. 37-38 Mme botlhe ba a ja ba kgora, e le dikete di le nne tsa banna kwa ntle ga basadi le bana! moragonyana, fa masalela a kokoangwa, go ne ga tladiwa diroto di supa!
39 Mme Jesu a phatlalatsa batho go ya kwa gae, a tsena mo mokorong a kgabaganyetsa kwa Magadana.