14
Go bolawa ga ga Johane wa Mokolobetsi
Mme erile fa Kgosi Herode a utlwa kaga Jesu, A raya banna ba gagwe a re, “Yo e tshwanetse ya bo e le Johane wa Mokolobetsi a rudile. Ke gone ka mo a kgonang go dira dikgakgamatso.” Gonne Herode o na a tshwere Johane a mo golegile ka dikeetane mo kgolegelong ka topo ya mosadi wa gagwe Herodiase mosadi yo o kileng a bo a le wa ga Filipo morwarraagwe, gonne Johane o ne a mo reile a re, ga go a siama gore a mo nyale.
O ka bo a ne a bolaya Johane mme o ne a boifa mokubukubu o batho ba ka o tsosang, ka gore batho botlhe ba ne ba dumela gore Johane ke moporofiti.
Mme ya re ka mokete wa botsalo jwa ga Herode, morwadia Herodiase a bina mo go neng ga kgatlha Herode thata, hong a mo solofetsa ka ikano gore o tlaa mo naya le fa e le eng se o tlaa se lopang. Jalo he, ka go tlhotlhelediwa ke mmaagwe, ngwanyana a kopa tlhogo ya ga Johane wa Mokolobetsi e le mo mogotswaneng.
Kgosi e ne ya utlwa botlhoko, mme ka ntlha ya ikano ya yone, gape ka gore e ne e sa batle go boela lefoko la yone ka morago fa pele ga balalediwa, ya ntsha taolo ya gore go dirwe jalo.
10 Jalo, Johane a kgaolwa tlhogo a le mo kgolegelong, 11 tlhogo ya gagwe ya leriwe ka mogotswana, ya neelwa morweetsana yo o neng a e isa kwa go mmaagwe.
12 Hong barutwa ba ga Johane ba tla go tsaya setopo sa gagwe go ya go se boloka mme ba ya go bolelela Jesu se se diragetseng.
Jesu o fepa dikete di le tlhano
13 Mme erile fela fa Jesu a utlwa mafoko a, a tsamaya ka boene ka mokoro go ya kwa thoko go nna a le nosi. Mme bontsintsi jwa bona kwa o neng a ya teng, mme ba mo sala morago ka dinao ba tswa mo magaeng a mantsi.
14 Hong ya re Jesu a tswa mo nageng, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa bo bo mo letile mme a ba tlhomogela pelo a ba a fodisa balwetse.
15 Maitseboeng ao barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Lobaka lwa dijo lo setse lo fetile, mme ga gona sepe se se ka jewang fano mo sekakeng; phatlalatsa bontsintsi jwa batho gore ba ye mo magaeng ba reke dijo!”
16 Mme Jesu a fetola a re, “Mo ga go tlhokafale, ba feng dijo!”
17 Mme ba mo raya ba re, “Ga tweng! Re na le dinkgwe di le tlhano tse di nnye le ditlhapi di le pedi!”
18 Jesu a ba raya a re, “Di lereng kwano.”
19 Hong a raya batho a re ba nne fa fatshe mo bojannyeng mme a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa godimo mo loaping a kopela dijo tshegofatso ya Modimo, hong a ngathoganya dinkgwe a di neela barutwa ba gagwe go di abela batho. 20 Mme mongwe le mongwe a ja go fitlhelela a kgora! Mme erile ba sela masalela kwa morago, ga sala diroto di le lesome le bobedi tse di tletseng. 21 E ne e ka nna banna ba le dikete tse tlhano mo bontsintsing jwa batho tsatsing leo, kwa ntle ga basadi le bana. 22 Ka bofefo morago ga moo, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re ba tsene mo mokorong go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha fa a sa ntse a phatlalaletsa batho kwa gae. 23-24 Morago ga moo a tlhatloga dithaba go ya go rapela. Bosigo jwa tla, mme kwa lecheng barutwa ba ne ba le mo matshwenyegong. Gonne phefo e ne e tsogile ba tshwere bothata mo mawatleng a a sa sisibalang.
25 Erile e ka nna nako ya bone mo mosong, Jesu a tla kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metse. 26 Ba gowa ka letshogo gonne ba ne ba gopola gore ke sepoko.
27 Mme Jesu ka bofefo a bua nabo a ba nametsa. A re, “Ke nna se boifeng!”
28 Hong Petoro a mo fetola a re, “Rra, fa o le ene tota, nthaya ke tle kwa go wena ke tsamaya mo godimo ga metse.”
29 Mme Morena a re, “Go siame, tla kwano.” Hong Petoro a fologa mokoro a tsamaya fa godimo ga metsi a ya kwa go Jesu. 30 Mme erile fa a leba kwa godimo, a tshoga mme a simolola go nwela. A gowa a re, “Mpoloka Morena!”
31 Gone fela foo Jesu a otlolola lebogo a mmoloka. Jesu a re, “A motho wa tumelo e potlana, ke eng fa o no o belaela. 32 Mme fa ba sena go palama mo mokorong, phefo ya didimala?”
33 Ba bangwe ba nna ba tseanye, ba goa ba re, “O Morwa Modimo tota!”
34 Mme ba fitlha kwa Genesareta.
35 Dikgang tsa go goroga ga bone tsa anama ka bofefo mo tikologong yotlhe ya motse, mme ka bofefo batho botlhe ba tswa mo motseng ba ya go bolelela batho gore ba lere balwetse ba bone go tla go fodisiwa. 36 Balwetse ba mo kopa gore a ba letlelele go ama momeno wa seaparo sa gagwe, mme botlhe ba ba neng ba ama momeno wa seaparo sa gagwe ba fodisiwa.