8
Jesu o fodisa Molepero
Bontsintsi jwa batho jwa sala Jesu mora-go fa a fologa mo mhapheng wa lentswe.
Mme bonang! Molepero a atamela. A-khubama fa pele ga gagwe a obama a mo rapela a re, “Rra, fa o rata o ka mphodisa.”
Mme Jesu a mo tshwara a mo raya a re “Ke a rata, fola.” Mme gone fela foo lepero la nyelela. Mme Jesu a mo raya a re, “O se ka wa bolelela ope; tlhamalalela kwa moperesiting go ya go tlhatlhojwa; mme o tlaa ntsha mpho e e batlwang ka molao wa ga Moshe wa balepero ba ba fodisitsweng, ebong bosupi jwa phatlhalatsa jwa gore o fodisitswe.”
5-6 Erile Jesu a goroga mo Kaperanama, mogolwane wa sesole sa Roma a tla kwa go ene mme a mo rapela go ya kwa lwapeng lwa gagwe go fodisa motlhanka wa gagwe wa mosimane yo o neng a le mo bolaong a bolawa ke bolwetse jwa teteselo a tlhoafaditswe ke setlhabi.
Mme Jesu a mo fetola a re, “Ke tlaa tla go mo fodisa.” 8-9 Mme mogolwane a re, “Rra ga ke a lekana go go tseela kwa lwapeng lwa me gape ga go tlhokafale gore o tle. Fa o ka nna fela fa mme wa re, ‘Fola’, motlhanka wa me o tlaa fola! Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya baeteledipele ba me ba bagolo mme ke na le taolo mo masoleng a me, mme ke raya lengwe ke re, ‘Tsamaya’ mme le tsamaye, mme ke reye le lengwe ke re, ‘Tla’ mme le tle, mme ke reye motlhanka wa me wa mosimane ke re, ‘Dira se kgotsa sele’ mme a se dire. Mme ke itse gore o na le thata ya go raya bolwetse jwa gagwe o re bo tsamaye mme bo tlaa tsamaya.”
10 Jesu a nna foo a akabetse! Mme a retologela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Ga ke ise ke ke ke bone tumelo e e tshwanang le e mo Iseraele! 11 Mme ke lo bolelela se, Badichaba ba le bantsi jaaka mogolwane yo wa Roma, ba tlaa tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba nna fa fatshe mo Bogosing jwa Legodimo le Aberahame, Isake le Jakobe. 12 Baiseraele ba le bantsi ba ba neng ba baakanyeditswe Bogosi, ba tlaa lelekelwa mo lefifing le le kwa ntle, mo felong ga selelo le tlhokofatso”. 13 Hong Jesu a raya mogolwane wa Roma a re, “Tsamaya o ye lwapeng. Se o se dumetseng se diragetse!” Mme mosimane a fola ka yone nako eo.
Jesu o fodisa batho ba bantsi
14 Erile Jesu a goroga kwa tlung ya ga Petere, mogwagwadia Petere wa mosadi o ne a le mo bolaong a tshwere ke letshoroma. 15 Mme erile fa Jesu a tshwara lebogo la gagwe, letshoroma la mo tlogela; mme a ema a ba baakanyetsa dijo.
16 Mo maitseboeng ao batho ba le bantsi ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e maswe ba leriwe kwa go Jesu; mme ya re a bua lefoko le le lengwe; mewa e e maswe yotlhe ya sia; mme botlhe ba ba neng ba lwala ba fola. 17 Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng, “O na a tsaya malwetse a rona, a rwala dipobolo tsa rona.”
18 Fa Jesu a lemoga ka fa bontsintsi jwa batho bo neng bo gola ka teng, o na a laela barutwa ba gagwe gore ba ipaakanyetse go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha.
19 Ka yone nako eo mongwe wa baruti ba tumelo ya Sejuda a mo raya a re, “Moruti, ke tlaa go sala morago, ga gore sepe gore o ya kae!” 20 Mme Jesu a re, “Bophokoje ba na le mesima le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho, ga ke na legae le e leng la me, ga go na fa nka latsang tlhogo gone.”
21 Mongwe wa barutwa ba gagwe a re, “Morena, mma ke tsamaye pele ke ye go fitlha rre.”
22 Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago! Lesa ba ba suleng mo moweng ba tlhokomele baswi ba bone.”
Jesu o didimatsa diphefo
23 Mme a tsena mo mokorong a simolola go kgabaganya lecha le barutwa ba gagwe. 24 Ka tshoganyetso ga tsoga setsuatsue se segolo, makhubu a goletsegile go feta mokoro. Mme Jesu o ne a robetse. 25 Barutwa ba ya kwa go ene ba feta ba mo tsosa, ba gowa ba re, “Morena, re boloke! Re a nwela!”
26 Mme Jesu a ba raya a re, “Ao batho ba tumelo e potlana! Ke eng fa lo tshogile jaana?” Hong a ema a kgalemela phefo le makhubu, mme ga nna tuulalo e kgolo.
27 Barutwa ba nna fela foo ba reregile! ba botsanya ba re, “Motho yo ke mang, yo le e leng diphefo tota le lewatle di mo reetsang?”
Jesu o koba mewa e e maswe
28 Erile ba goroga ka fa ntlheng e nngwe ya lecha mo lefatshing la Bagadara, banna ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba mo kgatlhantsha. Ba ne ba nna mo diphupung ba le diphatsa thata mo motho ope o neng a ka se ka a ralala golo foo.
29 Mme ba simolola go goela kwa go ene ba re, “O batlang mo go rona, wena Morwa Modimo? Ga o ise o nne le tshwanelo ya go re tlhokofatsa.” 30 Serapa sa dikolobe se ne se fula kgakalanyana. 31 Jalo mewa e e maswe ya kopa ya re fa o re “kgoromeletsa ntle re, lelekele mo serapeng sele sa dikolobe.”
32 Jesu a e raya a re, “Go siame, tsamayang” mme ya tswa mo banneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo thoteng ka bofefo sa wela mo metsing kwa tlase. 33 Mme badisa ba tsone ba sianela kwa motseng o o gaufi go ya go bolela kaga se se diragetseng. 34 Mme batho botlhe ba motse ba sianela go tla go bona Jesu, ba mo kopa gore a tsamaye a ba tlogele ba le bosi.