4
Thaelo ya ga Jesu
Mme Jesu a gogelwa ke Mowa o o Boitshepo kwa sekakeng, go ya go lekwa ke Satane. Ka malatsi a le masome a mane le masigo a le masome mane o na a sa je sepe, mme a tshwarwa ke tlala.
Mme Satane a mo leka gore a fetole maje senkgwe. Mme a re, go tlaa supa fa o le Morwa Modimo.
Mme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa! gonne dikwalo tsa re senkgwe ga se ka ke sa otla mewa ya batho: se re se tlhokang ke go reetsa lefoko lengwe le lengwe la Modimo.”
Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa Tempele mo Jerusalema. A mo raya a re, “Itige o itshupe fa o le Morwa Modimo; ka dikwalo tsa re, ‘Modimo o tlaa roma baengele ba One go go agelela gore o seka wa golafala,’ ba tlaa go agelela mo go sugagakaneng mo matlapeng a a kwa tlase.”
Jesu a mo araba ka kgakalo a re, “Gape gatwe ‘o se ka wa leka Morena Modimo ka teko ya boeleele.’ ”
Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa thaba e e goletseng kwa godimo thata mme a mo kaela dichaba tsa lefatshe le kgalalelo yotlhe ya tsone. A mo raya a re, “Ke tlaa go fa mo gotlhe fa o ka khubama wa nkobamela.”
10 Mme Jesu a mo raya a re, “Tloga fa Satane. Dikwalo tsa re, ‘obamela Morena Modimo a le nosi. Reetsa ene fela.’ ”
11 Mme Satane a mo tlogela mme baengele ba tla go mo direla.
12-13 Mme e rile fa Jesu a utlwa gore Johane o tshwerwe, a tswa mo Judea a boela gae kwa Nasaretha mo Galalea; Mme ka bofefo a fetela kwa Kaperanama fa thoko ga Lecha la Galalea gautshwane le Sebulona le Nafetali. 14 Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng 15 “Lefatshe la Sebulona le lefatshe la ga Nafetali fa thoko ga Lecha, le moseja ga noka ya Jorodane, le kwa godimo ga Galalea kwa go tletseng Badichaba, 16 teng koo batho ba ba neng ba le mo lefifing, ba bonye lesedi le legolo; ba ne ba ntse mo lefatshing la loso, mme lesedi la ba tlhabela.”
Jesu o simolola go rera
17 Go simolola foo, Jesu a simolola go ruta a re, “Sokologang mo sebing lo sokologele mo Modimong gonne Bogosi jwa Legodimo bo, atametse.”
18 Mme ya re ka letsatsi lengwe a tsamaya mo motlhabeng wa lotshitshi lwa Lecha la Galalea, a bona banna ba le babedi, bana ba motho, ebong Simone yo o bidiwang Petere le Anderea, ba le mo mokorong ba tshwara ditlhapi ka lotloa ka e ne e le batshwari le barekisi ba ditlhapi.
19 Mme Jesu a ba bitsa a re, “Ntshalang morago mme ke tlaa lo ruta ka fa lo ka tshwarang ka teng mewa ya batho.” 20 Mme ba akofa ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae.
21 Ya re kgakalanyana mo motlhabeng wa lotshitshi, a bona bana ba motho ba bangwe gape ba le babedi, ebong Jakobe le Johane ba ntse mo mokorong le Sebede rraabo, ba roka matloa a bone; mme le bone a ba bitsa.
22 Mme ba akofa ba emisa tiro ya bone ba tsamaya nae, ba tlogela rraabo.
Jesu o fodisa balwetse
23 Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse. 24 Pego ya dikgakgamatso tsa gagwe ya anama go feta melelwane ya Galalea mo e leng gore batho ba ba neng ba lwalela kgakala kwa Siria, ba ne ba tla kwa go ene go fodisiwa. A e ka ne e ne e le bolwetse bofe le setlhabi, kgotsa ba tsenywe ke badimo, kgotsa botsenwa, kgotsa teteselo, o ne a ba fodisa.
25 Bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa mo sala morago gongwe le gongwe kwa a yang gone. Batho ba ne ba tswa Galalea le mo metseng e e some le Jerusalema, le gongwe le gongwe mo Judea le kwa moseja ga Noka ya Jorodane.