19
Jesu o bua ka banyalani
Mme e rile Jesu a sena go fetsa mafoko a, a tswa mo Galalea a boela kwa morago kwa Judea go kgabaganya Noka ya Jorodane. Boidiidi jwa batho jwa mo sala morago, mme a fodisa malwetse a bone.
Bafarasai bangwe ba tla go buisanya nae, gape ba leka go mmeela seru gore a bue sengwe se se tlaa mo senyang. Ba mmotsa ba re, “A o letlelela tlhalo?”
Jesu a ba fetola a re, “A ga lo bale dikwalo? Mo go tsone go kwadilwe gore mo tshimologong Modimo o tlhodile monna le mosadi, 5-6 gore monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe mme a ngaparele mosadi wa gagwe. Mme bobedi jo bo tlaa nna bongwe fela, e sa tlhole e le bobedi, mme ele bongwe fela! a go se nne ope yo o kgaoganyang se Modimo o se kopantseng”.
Ba botsa ba re, “Jaanong Moshe o ne a raya jang fa a re monna o ka tlhala mosadi wa gagwe ka go mo kwalela lokwalo lwa tlhalo fela?”
Jesu a fetola a re, “Moshe o dirile jalo ka ntlha ya go bona dipelo tsa lona tse di thata tse di bosula, mme tota e ne e se se Modimo o simolotseng o se ikaeletse. Mme ke lo bolelela se, ka re, le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se fela ka kgokafalo, a bo a nyala yo mongwe, o dira kgoka falo.” 10 Barutwa ba ga Jesu ba mo raya ba re, “Fa e le gore go ntse jalo go botoka go sa nyaleng.” 11 Jesu a fetola a re, “Ga se mongwe le mongwe yo o ka amogelang mafoko a, fa e se fela ka thuso ya Modimo. 12 Banna bangwe ba tsetswe e le baopa, ba bangwe ba opafaditswe ke batho, gore ba seka ba nyala, ba bangwe ba ikgapa mo nyalong ka ntlha ya Bogosi jwa Legodimo. A yo o kgonag, a amogele mafoko a me.”
Jesu o segofatsa bana
13 Mme ga tlisiwa bana ba bannye kwa go Jesu gore a ba beye diatla a ba rapelele. Mme barutwa ba kgalemela ba ba neng ba tlisitse bana. Ba ba raya ba re, “Se mo tshwenyeng.”
14 Jesu a re, “Lesang banyana ba tle kwa go nna, se ba kganeleng. Gonne bogosi jwa Legodimo ke jwa ba ba ntseng jalo.” 15 Foo a ba baya diatla a ba segofatsa pele ga a tsamaya.
Lekawana la mohumi
16 Mme mongwe a tla kwa go Jesu ka potso e e reng: “Morena yo o Molemo ke ka dira eng se se siameng go nna le botshelo jo bo sa khutleng?”
17 Jesu a mo raya a re fa o re, “Ke molemo o raya Modimo. Mme go araba potso ya gago ka re, o ka tsena kwa legodimong fa o tshegetsa ditaolo.”
18 Mme monna a mmotsa a re, “Ditaolo dife?” Mme Jesu a fetola a re “O seka wa bolaya motho, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa bua maaka, 19 tlotla rrago le mmago, gape o rate mongwe ka wena jaaka o ithata!”
20 Mme lekawana la fetola la re, “Ke sa le ke e tshegetsa yotlhe fela, ke tshwanetse go dirang gape?”
21 Jesu a mo raya a re, “Fa o batla go itekanela, ya o rekise sengwe le sengwe se o nang naso o neele bahumanegi madi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.” 22 Mme e rile fa lekau le utlwa jaana, la tsamaya le nyemile moko ka bohutsana, ka gore le ne le humile thata.
23 Hong a raya barutwa ba gagwe a re, “Ruri go thata mo mohuming go tsena mo Bogosing jwa Legodimo. 24 Mme ke ipoeletsa gape ke re, go motlhofo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale go na le gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo.”
25 Polelo e ya gakgamatsa barutwa. Mme ba botsa ba re, “Mme fa go ntse jalo, ke mang yo o ka bolokwang mo lefatshing?”
26 Hong Jesu a ba leba ka kelotlhoko a re, “Ka fa senameng ga go na ope.”
27 Hong Petere a mo raya a re, “Re tlogetse sengwe le sengwe gore re go sale morago. Re tlaa boelwa ke eng ka go dira jalo?”
28 Jesu a fetola a re, “E tlaa re nna, Morwa Motho, fa ke nna mo setilong se se galalelang sa Bogosi, lona barutwa ba me lo tlaa nna mo ditilong di le lesome le bobedi tsa puso go atlhola merafe e le lesome le bobedi ya Iseraele. 29 Mme le fa e le mang yo a tlogelang motse wa gagwe, bomonnawe, bokgaitsadie, rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana kgotsa dilwana go ntshala morago, o tlaa amogela galekgolo go menaganye, ebile o tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng. 30 Mme ba le bantsi ba e leng ba ntlha jaanong e tlaa nna ba morago ka nako eo: le bangwe ba e leng ba bofelo jaanong e tlaa nna ba ntlha.”