11
Johane o roma barutwa ba gagwe kwa go Jesu
Mme e rile fa Jesu a sena go fetsa go nee-la barutwa ba gagwe ba ba lesome le metso e le mebedi ditaelo tse, a tsamaya mo metseng e ba neng ba tshwanetse go rera mo go yone.
Johane wa Mokolobetsi yo o neng jaanong a le mo kgolegelong, a utlwa kaga dikgakgamatso tsotlhe tse Mesia o neng a di dira, jalo a roma barutwa ba gagwe go botsa Jesu gore, “A o ene tota yo re mo lebeletseng, kgotsa re nne re lebeletse?” Jesu a ba raya a re, “Boelang kwa go Johane lo mmolelele kaga dikgakgamatso tse lo mponyeng ke di dira difofu tse ke di foufolotseng, le digole tse jaanong di tsamayang kwa ntle ga thuso le balepero ba ba fodisitsweng, le bosusu ba ba utlwang, le baswi ba ba rudisitsweng; lo bo lo mmolelele gore ke rerela bahumanegi mafoko a a molemo. Jaanong lo bo lo mo neela molaetsa o, ‘Go sego ba ba sa mpelaeleng.’ ”
Erile barutwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, Jesu a simolola go bua le bontsintsi jwa batho ka ga gagwe a re, “Erile lo tswela mo sekakeng se se senang sepe go bona Johane, lo no lo solofetse gore lo tlaa mmona a ntse jang? A tshwana le tlhaga e e fokang mo phefong? Kgotsa a lo no lo solofetse go bona monna yo o apereng jaaka kgosana mo maphatsipatsing a bogosi? Kgotsa moporofiti wa Modimo? Ee, mme o mogolo go na le moporofiti fela. 10 Gonne Johane ke ene yo o umakilweng mo dikwalong; morongwa yo o neng a tshwanetse go tla pele game, go anamisa go tla game, le go baakanya batho go nkamogela. 11 Ammaaruri, mo go botlhe ba ba kileng ba tsalwa, ga go na yo o galalelang thata go gaisa Johane wa Mokolobetsi. Mme le fa go ntse jalo, le masedi a mabotlana mo Bogosing jwa legodimo a tlaa nna a magolo go na nae!
12 “Mme go simolola nako e Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka yone a kolobetsa go fitlhelela jaanong jaana, matshwititshwiti a a matlhagatlhaga a ntse a kgobokanela Bogosi jwa Legodimo, 13 Gonne melao yotlhe le baporofiti ba ne ba solofetse Mesia. Mme Johane a bonala, 14 mme fa lo batla go tlhaloganya se ke se rayang, ke Elija; ene yo baporofiti ba rileng o tlaa tla ka nako e Bogosi bo simololang ka yone.
15 “Fa e le gore lo kile lwa rata go reetsa, reetsang jaanong.
16 “Ke tlaa reng ka ga chaba e? Batho ba, ba tshwana le bana ba tshameka, ba ba rayang balekane ba bone ba re, 17 ‘Re tshamekile lenyalo mme lwa seka lwa itumela, ra tshameka phitlho mme lwa seka lwa utlwa botlhoko’. 18 Gonne Johane wa Mokolobetsi ga a nwe le fa e le mofine, gape o itima dijo gantsi, mme lwa re, ‘O a tsenwa’. 19 Mme nna, Morwa Motho, ke a ja e bile ke a nwa, mme lo ngongoregela gore ke ‘sejabobe, ke senwi, e bile ke dirisanya le mofuta o o maswe wa baleofi!’ Mme batho ba ba botlhale jaaka lona ba ka bona seipato mo go sengwe le sengwe se ba se dirang!”
Metse e e sa sokologang
20 Mme a simolola go kgoba metse e a neng a dirile bogolo jwa dikgakgamatso dingwe tsa gagwe mo go yone ka gore e ne e sa boela mo Modimong. 21 A re, “A bo go latlhega wena Korasina, a bo go latlhega wena Bethesaida! Gonne fa dikgakgamatso tse ke di dirileng mo mebileng ya lona di ne di dirilwe mo Ture le Sidona ba ba kgopo, batho ba teng ba ka bo ba sa bolo go sokologa ka ditlhong le boingotlo.
22 “Ammaaruri Ture le Sidona ba tlaa bo ba le botoka go na le lona ka Letsatsi la Katlholo! 23 Mme Kaperanama, lefa a tlotlwa thata, o tlaa fologela mo diheleng! Gonne fa dikgakgamatso tse dintle tse di dirilweng mo go wena di ka bo di dirilwe mo Sodoma, o ka bo a sa ntse a le teng le gompieno. 24 Ammaaruri, Sodoma, o tlaa bo a le botoka go na le wena ka Letsatsi la Katlholo.” 25 Mme Jesu a rapela thapelo e, “Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ke lebogela gore o fitlhetse ba ba ikgopolang ba le botlhale boammaaruri, mme wa bo senolela banyana! 26 Ee, Rara, gonne go go kgatlhile go go dira ka tsela e!”
27 “Boammaaruri jotlhe ke bo neetswe ke Rre. Rara fela ke ene a itseng Morwa, le Rara o itsiwe ke Morwa fela le ba Morwa o ba mo senolelang. 28 Tlang kwano go nna mme ke tla lo lapolosa, lotlhe ba lo dirang thata ka fa tlase ga jokwe e e bokete. 29-30 Sikarang jokwe ya me, gonne e lo lekana sentle mmang ke lo rute; gonne ke bonolo le boingotlo, jalo lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo, gonne ke lo naya merwalo e e motlhofo fela.”